KAROLO YA 3
MEKGATLHO YA BADIRISI BA METSI
Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke setheo sa semolao se se tlhamilweng ke Tona go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa metsi. Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke mokgatlho wa seoposengwe sa badirisi ba ba farologaneng ba metsi ka ba ba eletsang go ungwa mosola go tswa mo ditirong tse di amanang le tiriso ya metsi. Mokgatlho wa badirisi ba metsi o busiwa ke Komiti ya botsamaisi.
Maikemisetso a Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke eng?
Maikemisetso a Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke go kgontsha batho mo morafeng go dirisa ditlamelo tsa bone (tšhelete, badiri, boitseanape) ka matsetseleko go diragatsa ditiro tse di amanng le metsi. Ka Mokgatlho wa badirisi ba metsi, ditokololo di ka ikungwela mosola ka go samagana le ditlhokego kgolo tsa bone tsa selegae.
Mekgatlho ya badirisi ba metsi e dira fela mo maemong a selegae. Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e ka tlamela ka mekgwa e e ka kgontshang go tsenngwa tirisong ga leano la tsamaiso ya bodutiso mo legatong la selegae. Mekgatlho ya Badirisi ba metsi gape e tshwanetse go nna le seabe sa botlhokwa mo phedisong ya lehuma le netefaletso ya go nna teng ga dijo.
Kemo ya semolao ya Mokgatlho wa badirisi ba metsi
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ke setheo sa kgwebo seo se nang le ditshiamelo tsa motho wa tlholego yo o nang le bokgoni jo bo feleletseng, kwa ntle ga dithata tse di amanang le batho ba tlholego fela gongwe di sa tsamaelane le Molao wa Bosetšhaba wa Metsi. Seno se kaya gore Mokgatlho wa badirisi ba metsi o ka dira dilo tsotlhe tse motho ka nosi a ka di dirang jaaka go bula akhaonte ya banka, go tsena mo ditumelanong tsa dikonteraka tsa go tlamelo gongwe kadimo ya tšhelete. Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka otlhaya ka tefiso ya tšhelete gongwe o ka otlhaiwa jalo ke mongwe fela.
Botsamaisi le bodiragatsi jwa setheo bo laolwa ke Molao wa Bosetšhaba wa Metsi le molaotheo wa Mekgatlho ya Badirisi ba metsi.
Mefuta e e farologaneng ya Mekgatlho ya Badirisi ba metsi
Molao o dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Mekgatlho ya Badirisi ba metsi ya tiriso ya mo mofuta mongwe le mongwe ya metsi jaaka go tlhalositswe mo molaong. Le gale go na le mefuta e le mebedi e e ikgethileng ya Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e e ka tlhamiwang, e leng Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa lephata le Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa maphatamantsi.
Mokgatlho wa badirisi ba metsi wa lephata
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa lephata o dira boemong jwa dikgatlhegelo tsa setlhopa sa badirisi ba ba tshwanang. Go naya sekai, setlhopa sa balemirui ba bosetlabošweng se ka tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa lephata, gongwe setlhopa se se nang le dikgatlhegelo mo go laoleng tiriso ya fa boitapoloso, jalo le jalo.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa maphatamantsi
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa maphatamantsi o dira boemong le mo dikgatlhegelong tsa setlhopa sa badirisi ba ba farologaneng ba metsi, go tshwana le ba tshomarelo, dikgwa, meepo le go nosetsa mmogo.
Dikgwa
Go le gantsi, kgatlhegelo ya go tlhama Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e ka tlhagelela thata ka ntlha ya mabaka magolo a le mane (le fa e le gore go ka nna le a mangwe):
go tsewa le go dirisiwa ga metsi mo mabakeng a go nosetsa e le ga kgwebo kana tirisoselegae.
Ditiro tsa phokotso ya kelo ya moedi (jaaka jalo ya dikgwa)
tiriso le go latlhiwa ga leswe go laola tiriso ya metsi mo mabakeng a boitapoloso le/gongwe tikologo.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlhamiwa jang?
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlhamiwa ke Tona go ya ka mekgwa eo e beilweng mo Molaong wa Bosetšhaba wa Metsi.
Tona bongwe ba nna le seabe ba ka tshitshinya thulagany ya go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Tona e ka tshitshinya go tlhamiwa leng?
Mabaka ao e leng gore Tona e ka tshitshinya go tlhamiwa ga Mekgatlho ya Badirisi ba metsi ga a a tlhagisiwa mo Molaong. Le gale Tona e ka tshitshinya go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi fa e le gore seo se mo dikgatlhegong tsa baagi. Lebokoso le le ka fa tlase le supa dikao tseo e leng gore di ka nna ka fa dikgatlhegong tsa baagi.
Taolo ya sekema sa puso ke baagi ba selegae
Tona e ka eletsa go fetisetsa tiro, tlhokomelo le taolo ya sekema sa puso go baagi. Se se ka direga thata fa sekema se diretswe go ungwela baagi ba ba amegang le go tsamaisiwa ka matsetseleko ke Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o o maleba.
Tshegetso ya balemi ba bosetlabošweng
Tona e ka eletsa go tshegetsa maiteko a mafapha mangwe a puso go ya ka dithulaganyo tsa balemi ba bosetlabošweng gongwe tlhabololo ya dipporojeke tsa temo tse di tshegediwang.
Tsweletso ya tlhabololo e e gokaganeng ya ditlamelo
Fa go nang le tsweletso ya ditlamelo tse di rileng e e sa gokaganang, Tona a ka swetsa go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi jaaka mokgwa wa go tlamela ka taolo e e botoka le go tila kgotlhang e e ka tlhagelelang.
Ditherisano le batho botlhe
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlhamiwa morago ga ditherisano tsa go batla maikutlo a batho.
Fa Tona a tsweletse mo ditherisanong tsa go batla maikutlo, ditshenyegelo tsa ditherisano tse di ka busediwa fa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o sena go tlhamiwa.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa mabaka a a rileng gantsi o ka tlhamiwa go latela tshitshinyo e e diretsweng Tona ke makoko a a nang le kgatlhego.
Tona a ka lopa gore motho kana makoko a a neelanang ka tshitshinyo a duelele ditshenyegelo tsa ditherisano tsa go batla maikutlo a batho kwa pele.
Tshitshinyo ya go tlhama mokgatlho wa badirisi ba metsi
Lephata kgotsa setlhopha sa badirisi ba metsi se ka tlhagisa tshitshinyo kwa go Tona go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Mokaedikakaretso wa Lefapha la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa a ka thusa badirisi ba metsi go rulaganya tshitshinyo.
Tshitshinyo e tshwanetse go akaretsa eng?
Tshitshinyo e tshwanetse go samagana le merero yotlhe e e mo lenaaneng le le mo Molaong:
mabaka a go dira tshitshinyo leina le le tshitshintsweng la mokgatlho lefelo le le tshitshintsweng le mokgatlho o tla dirang mo go lona ditiro tse di tshitshintsweng tsa mokgatlho fa go leng maleba gona, tlhaloso ya tirelo e e leng teng kgotsa e e tshitshingwang ya metsi kwa lefelong le go direlwang kwa go lona tlhaloso ya laesense ya tiriso ya metsi gongwe tetla eo ditokololo tse di tshitshingwang di nang nayo gongwe di ikaelelang go dira kopo ya yona molaotheo o o tshitshintsweng wa mokgatlho tlhaloso ya ka fa molaotheo o o tshitshintsweng o yang go farologanang ka teng le wa sekai (sekao sa molaotheo) se se fitlhelwang mo Molaong lenaane la ditokololo tse di tshitshinngwang gongwe dikarolo tsa ditokololo tsa mokgatlho tlhaloso ya ditherisano tsa patlo maikutlo tse di nnileng teng fa go rulaganngwa tshitshinyo gammogo le dipoelo tsa tsone.
Ke ditherisano dife tse di nnileng teng? Lefelo la tiro
Ditiro tsa metsi
Leina la Mokgatlho wa Tshitshinyo ya go tlhama Tiriso ya metsi?
Badirisi ba metsi Mekgatlho ya Badirisi ba Dilaesense/ ditetla?
metsi
Ditiro tse di tshitshintsweng
Setshwantsho sa WUA Ditokololo Molaotheo
Setshwantsho sa ditokololo
Tona e tla rebola leng go tlhamiwa ga
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi?
Tona e tla atlenegisa go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi fa e le gore Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tsweletsa maikaelelo jaaka a tlhagisitswe mo Maikemisetsong a Molao wa Bosetšhaba wa metsi. Maikaelelo ao a akaretsa dintlha di tshwana le:
tshireletso, tiriso, tlhabololo, tshomarelo, tsamaiso le taolo ya ditlamelo tsa metsi tsa setšhaba go fitlhelela ditlhokego tsa ntlha tsa batho tsa ga jaana le tsa isago tsweletso ya tekatekano, tiriso e e nonofileng, mosola le ya leruri ya metsi tlhabololo ya ikonomi le loago; le go sireletsa tikologo ya ditshedi tsa mo metsing.
Tshitshinyo ya go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi e tshwanetse go tsamaisana le leano la Tsamaiso ya Bodutiso la Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso.
Nngwe ya dintlha tse di tshwanetseng go akarediwa mo tshitshinyong ke molaotheo o o tshitshintsweng wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Molaotheo wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
Molao wa Bosetšhaba wa metsi o tlhalosa dintlha tsotlhe tse molaotheo wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tshwanetseng go samagana natso. Gape Molao (Sejule ya 5) o na le sekai sa molaotheo seo se ka dirisiwang go tlhama molaotheo.
Fa tlase fano ke tlhaloso ya merero e molaotheo wa Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi o tshwanetseng go samagana nayo:
MOLAOTHEO WA MOKGATLHO WA BADIRISI BA METSI
Leina la mokgatlho
Maikemisetso a mokgatlho
Ditiro kgolo tsa mokgatlho
Ditiro potlana tsa mokgatlho
Ditokololo tsa tshimologo
Botokololo jwa mokgatlho thulaganyo le ditlhokego tsa go amogela ditokololo tse dintšhwa mo mokgatlhong dithata tsa go tlhopha tsa ditokololo thulaganyo ya go fedisa botokololo
Go supiwa le go tlhopiwa ga ditokololo tsa Komiti ya Botsamaisi
Thulaganyo ya go tlhopha komiti ya botsamaisi
Go thapiwa ga badiri
Thulaganyo ya go thapa badiri ba mokgatlho
Go dira dikadimo tsa tšhelete
Thulaganyo ya go fitlhelela dikadimo
Ditefiso le go boona dituelo
Maitlamo a ditšhelete a ditokololo go mokgatlho
Pegelo ya ngwaga le ngwaga
Tshobokanyo
Dimametlelelo:
Lenaane la ditokololo tsa tshimologo
Lenaane la ditokololo
Tlhaloso ya dikarolo potlana le kemedi mo tsamaisong
Komiti
Go dira kopo ya ditiro ya Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
Le fa e le gore molaotheo o ka akaretsa ditiro di le mmalwa tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi, seno ga se kae gore Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka nna le ditiro tse ka gangwe fela fa o sena go tlhamiwa.
Bao ba dirang kopo ya gore go tlhamiwe Mokgatlho wa Badirisi ba metsi, ba tshwanetse gore, jaaka karolo ya thulaganyo ya go tlhama, ba dire kopo ya semmuso ya ditiro tseo di rebolelwang Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Seno se ka dirwa mo lekwalong fa go tlhagisiwa tshitshinyo gore e sekasekwe.
Lekwalo
Kopo ya ditiro tse di rolelwang mo Mokgatlhong wa Badirisi ba metsi
Tshitshinyo
Go Tona ya Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa gore go tlhamiwe Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
Molaotheo wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
Molaotheo o o amogetsweng ke Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlama ditokololo tsotlhe tsa ona.
Tona a ka lopa gore go akarediwe ditlamelo tse dingwe tsa tlaleletso mo molaotheong wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Ditlamelo tseo di tshwanetse go amogelwa ke ditokololo tsa mokgatlho le go rebolwa ke Tona pele ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka dirisa dithata dipe fela gongwe go dira ditiro dipe.
Tona o tla tlamela ka tshegetso efe mo go tlhamiweng ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi?
Mokaedikakaretso wa Lefapha la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa o tla tlamela ka tshegetso go:
motho ka nosi yo o batlang kgakololo malebana le go dira tshitshinyo ya go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi go ya ka:
Go tlhalosa lefelo le go tla direlwang mo go lona
Go lekanyetsa mofuta le selekano sa ditlamelo tsa metsi tse di yang go laolwa, le
Dithata le ditiro tse go tla tlhokegang gore di rolelwa kwa Mokgatlhong wa Badirisi ba metsi
Baagi bao ba tlhokang bokgoni jwa go rulaganya le go tlhola dithulaganyo tse di tlhokegang tsa setheo. Totatota, thuso e ka neelwa fa go tlhokegang gore go etleediwe tlhabololo (e e tshwanang le go tlhabololwa ga balemi ba bosetlabošweng) ka go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Kago sešwa ya diboto tsa nosetso
Diboto tsotlhe tsa nosetso le diboto tsa taolo ya metsi tse di nnileng teng pele ga go simologa ga Molao di tshwanetse go fetolelwa go nna Mekgatlho ya Badirisi ba metsi. Diboto dingwe tse di tlhametsweng mabaka a go nosa leruo go ya ka Molao wa Metsi wa maloba, le tsona di tla fetolelwa go nna Mekgatlho ya Badirisi ba metsi.
Tota tota kago sešwa ya diboto tsa nosetso e kaya gore di tshwanetse go fetola mafelo a di dirang mo go ona le sebopego sa botsamaisi go akaretsa mafelo go lebeletswe lotso le bong.
Goreng kago sešwa
Aforika Borwa e na le hisetori ya phitlhelelo e e sa lekalekaneg ya ditlamelo. Kago sešwa ke nngwe ya mekgwa ya go fitlhelela tekatekano. Tona e rebotse kaedi e e malebana le botokololo jwa komiti tsamaiso boto ya nosetso e e rulagantsweng sešwa.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlamelwa jang ka matlole?
Go botlhokwa tota gore Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o nne le bokgoni jwa go ithusa ka matlole. Go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi go ka kgonagala fa fela ditokololo di kgona go duelela ditshenyegelo tsa tsamaiso mmogo le tsa tiragatso le tlhokomelo tsa ditiro dipe fela tse di amanang le Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Ka jalo, Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ka gale o tlamelwa ka matlole ka ditefiso tse di lefisiwang ditokololo tsa ona tse di bidiwang 'ditefiso tsa tiriso ya metsi'. Metswedi mengwe ya matlole e akaretsa:
tšhelete e e tswang mo tirisong ya ditiriso tsa metsi thuso ya ditšhelete ka tlhamalalo go tswa kwa lefapheng la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa gongwe go tswa kwa Setheong sa Tsamaiso ya Bodutiso metswedi e mengwe e e kgotsofatsang ditlhokego tsa Molao, go tshwana le mananeoa dithuso gongwe matlole a ketleetso.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka sekaseka tefiso ya ditokololo tsa ona ka ngwaga fa molaotheo o na le tlamelo ya seno. Dituelo tseno di tshwanetse go tsamaisana le leano la tuediso ya tiriso ya metsi jaaka le beilwe ke Tona.
Tona a ka tlamela gape ka thuso ya ditšhelete go Mokgatlho wa Badirisi ba metsi mo malebana le go fitlhelela maikemisetso a Molao wa Bosetšhaba wa Metsi (go ya ka melawana e e dirilweng ka fa tlase ga molao)
Lefapha le dirile pholisi ya go tlamela ka thuso ya ditšhelete go banosetsi ba ba leng teng gongwe ba bantšhwa ba ditlhopha tse di neng di kgapetswe thoko mo malobeng tse e leng ditokololo tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Tona o tshwanetse go tsaya tsia dilo tse di latelang pele a ka tlamela ka thuso ya ditšhelete:
tlhokego ya tekatekano;
tlhokego ya go direla dilo mo pepeneneng;
tlhokego ya go baakanya ditlamorago tsa tlhaolele ya mo malobeng ya lotso le bong maikemisetso a thuso ya ditšhelete seemo sa ditšhelete sa moamogedi, le tlhokego ya go sireletsa ditlamelo tsa metsi
Boikarabelo jwa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
Molaotheo wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tshwanela ke go dira tlamelo ya go thapiwa ga Komiti ya Tsamaiso mmogo le Modulasetilo le Motlatsamodulasetilo
Komiti ya Tsamaiso e arabela ka tlhamalao go ditokololo tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ona ka kakaretso o ikarabela kwa go Tona. Fa Tona a rolela tlhokomelo ya tiro ya Mokgatlho wa Badirisi ba metsi kwa Setheong sa Tsamaiso ya Bodutiso, Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tla ikarabela kwa Setheong sa Tsamaiso ya Bodutiso.
Ditiro le maikarabelo a Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ke eng?
Ditiro tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi di ikaegile ka molaotheo wa ona o o amogetsweng.
Molaotheo wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka dira tlamelo ya ditiro tse di latelang tse di tshwanetseng go dirwa ke Mokgatlho wa Badirisi ba metsi:
Go thibela tshenyego ya metsi go tswa mo metswedi epe fela.
Go sireletsa ditlamelo tsa metsi.
Go thibela tiriso e e seng ka fa molaong ya metsi.
Go tlosa gongwe go rulaganya go tlosa sekgoreletsi sepe fela se se beilweng e seng ka fa molaong mo moeding wa metsi.
Go tlhokomela ka kakaretso ditlamelo tsa metsi
Go laola kelelo ya moedi wa metsi ka go:
fokotsa tkgonagalo ya tshenyego ya lefatshe fa go ka nna le morwalela; le go fetolela moedi kwa sebopegong sa ona sa pele fa o fetotswe ke mabaka a tlholego.
Go batlisisa le go rekota selekano sa metsi mo maemong a a farologaneng a kelelo ya moedi;
nako e mo go yona; le mafelo a e leng gore metsi a ka dirisiwa ke mongwe yo o nang le tshiamelo ya go dirisa metsi go tswa mo ditlamelong tsa metsi
Go aga, reka kgotsa gongwe fitlhelela, laola, diragatsa le go tlhokomela ditiro tsa metsi tse di tsewang di le botlhokwa go;
go goga metsi go tswa mo lefatsheng; le go tlamela ka metsi go nosetsa gongwe ditiro dingwe
Go tlhokomela le go laola phasalatso le tiriso ya metsi go tswa mo ditlamelong tsa metsi go ya ka ditshiamelo tse tse di maleba tsa tiriso ya metsi, ka go aga le go tlamela didiriswa tsa:
go lekanyetsa le go arola; gongwe go laola phaposo ya keleo ya metsi
Dithata le ditiro tsa tlaleletso
Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e ka rolelwa dithata tsa tlaleletso le ditiro ke Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso kgotsa Tona.
Tona ya Merero ya Metsi le Setheo sa Tsamaiso
Dithata gongwe tiro Dithata gongwe tiro
Setheo sa Tsamaiso
Tse di roletsweng Tse di roletsweng
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tshwanetse go duelelwa ditshenyegelo tse di tlholegileng ka ntlha ya go rolelwa dithata tsa tlaleletso le tiro
Mosola wa go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ke ofe go badirisi?
Mosola wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi mo badirisng o tla ikaega ka maikemisetso ao Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o a tlhametsweng.
Mo mabakeng a dikema tsa nosetso tsa balemi ba kgwebo gongwe ba bosetlabošweng, go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi go kgontsha go dirisanammogo mo ikonoming mme ditokololo di arolelane ditshiamelo. Go dira tirelo e nnye ya motho ka nosi go le gantsi ga gona lotseno.
Mo mabakeng a Mekgatlho ya Badirisi ba metsi tlhometsweng go laola tiriso ya boitapoloso, mosola ke gore bothati bo le bongwe fela bo rwala maikarabelo a go dirisiwa ga tlamelo e e rileng ya metsi mo mabakeng a boitapoloso. Seno se kgontsha Mokgatlho wa Badirisi ba metsi nna le kgokaganyo e e tlhokegang le go lekalekanya dikgatlhego tsa badirisi ba ba farologaneng e le gone go tila kgotlhang. Fa setlhopa se batla go tlhama Mokgatlho wa Tiriso ya Metsi malebana le tiriso e e rileng ya metsi, ba tshwanetse gore pele ba sedisise gore a Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tla nna le mosola o montsi mo ditokololong tsa ona. Go nna tokololo ya Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi ke boithaopo, ka jalo fa Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi o sa tlamele ka mesola e e tlhokegang, o ka se kgone go tshola ditokololo tsa ona (go lemogwa gore go na le mabaka a a beilweng).
Tsamaiso le tiro ya Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
SEKAI SA MOLAOTHEO WA MOKGATLHO WA BADIRISI BA METSI
BOTSAMAISI LE THULAGANYO YA DITHEO TSA TSAMAISO YA METSI
MOLAO WA BOSETŠHABA WA METSI (Wa bo36 wa 1998)
DITHATA TSA TONA MALEBANA LE MEKGATLHO YA BADIRISI BA METSI
Tona, morago ga go batla maikutlo a mokgatlho wa badirisi ba metsi, a ka laela gore motho a amogelwe jaaka tokololo ya mokgatlho mo maemong a a sa gobeleleng mme a na le tekatekano.
Mo mabakeng mangwe Tona a ka
Tsereganya mo tirong ya Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Tona o dira seno ka go laela Mokgatlho wa Badirisi ba metsi go tsaya kgato gongwe dikgato. Fa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o sa ikobele taelo, ditshiamelo tsa matlole tse Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o neng o na le tsona, di ka beelwa thoko gofitlhelela o ikobela taelo.
Tona a ka kgaotsa botokololo jwa tokololo ya komiti ya botsamaisi ka go rebola kitsiso go Mokgatlho wa Badirisi ba metsi le tokololo e e amegang. Ma mabakeng a jalo, Tona e ka rulaganya gore phatlhatiro e e mo komiting ya botsamaisi e tladiwe.
Fa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o sa ikobele taelo, Tona a ka o tseela ditiro go fitlhelela mokgatlho o diragatsa taelo.Tona a ka busetsa ditshenyegelo tsotlhe tse di bakilweng ke go tsaya ditiro nakwana go tswa mo Mokgatlhong wa Badirisi ba metsi sebaka se se rileng.
Phatlhalatso ya Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
Molao wa Bosetšhaba wa Metsi o kaya gore Tona aka phatlhalatsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi mo mabakeng a a rileng:
Mo mabakeng a a nang le tlamelo mo molaotheong wa mokgatlho;
Fa e le gore go ya ka tumelano le setheo se sengwe sa tsamaiso ya metsi, ditiro tsa mokgatlho, di a ka kopanngwa, gongwe di tsewa ke setheo seo sa tsamaiso ya metsi;
Fa go le mo dikgatlhegong tsa mokgatlho gongwe ditokololo tsa ona;
Fa patlisiso ya merero gongwe seemo sa ditšhelete e supa gore go matshwanedi gore o phatlhaladiwe;
Fa Tona a tsere dithata kgotsa marapo a mokgatlho ka ntlha ya dikgogakgogano magareng ga komiti ya botsamaisi kgotsa ditokololo tsa yona; gongwe
Fa mokgatlho o sa tlhole o le matlhagatlhaga gongwe go dira ka nonofo
Tona a ka phatlhalatsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi fela morago ga:
go phasalatsa tshedimosetso ka go phatlhaladiwa go go tshitshintsweng go ngoka ditshwaelo malebana le go phatlhaladiwa go go tshitshintsweng; le morago ga go tsaya tsia ditshwaelo tsotlhe tse di amogetsweng
Pharologano ke eng magareng ga Ditheo tsa Tsamaiso ya Bodutiso le Mekgatlho ya Badirisi ba metsi?
Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi
Maikarabelo a Ditheo tsa Tsamaiso ya Bodutiso ke tsamaiso ya ditlamelo tsa metsi mo lefelong lotlhe la tsamaiso ya metsi.
Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso (lefelo la tsamaiso ya metsi) (Picture)
Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso se na le Boto ya Bobusisi e e emetseng ba nna le seabe go tswa mo mafelong otlhe a tsamaiso ya metsi
Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso se tla rulaganya Leano la Tsamaiso ya Bodutiso- go samagana le merero ya ditlamelo tsa metsi mo lefelong lotlhe la tsamaiso ya metsi.
Leano la Tsamaiso ya Bodutiso la Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso le tla kaela Tona gore a ke go tlhamiwe Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e e rileng, le gore e letlwe go dira ditiro dife mo mafelong a tsamaiso ya metsi.
Ka gale Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e nna le dikgatlhegelo tsa selegae insert picture
Lefelo la Selegae
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o emela dikgatlhegelo tse di nnye fela, go le gantsi ke lephata la badirisi ba metsi mo lefelong le le lennye fela.
Mekgatlho mengwe ya Badirisi ba metsi e ka nna le kemedi mo Botong ya Bobusisi ya Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso le mo Dikomiting tsa Tsamaiso ya Bodutelo.
Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e tlamela ka popegotheo ya selegae e go ka tsenngwang tirisong Leano la Tsamaiso ya Bodutiso ka yona kwa maemong a selegae.
TSHOBOKANYO YA DITHEO TSA TSAMAISO YA METSI
